pyxelRasta
Motse wa Maretologo-A-Nare o lebega jaaka o na le botshelo bo boiketlo. E bile le baagi ba one ba lebega ba nale boitumelo, lerato le kagisano. Fela fa go buiwa ka thola e e borethe, e e teng e e babang. Ka na bontle bo bo dibelebejane, go buiwa ka motse wa Maretologo-A-Nare le baagi ba o ne.
Matlhomola, ke mosimane yo o maitseo ebile o ratiwa ke bontsi mo Maretologo-A-Nare. Mokgwa o wa gagwe wa go rata go tsoma mo dirapeng tsa diphologolo tsa naga, e ne e le selo se le sengwe se se tlhobang botsadi boroko, ka ga gagwe.
Rre Ramarama o ne a itse gore le fa kgwebo ya gagwe e le sediba sa mmamoratwa sa barati ba phafana ba mo motseng wa Maretologo-A-Nare. Bontsi ba batho ba motse o, ke bo meno masweu polaya e tshega. Ba tlhola ba mo senyeditse kwa serapeng sa gagwe sa diphologolo. Le fa go ntse jalo o ne a sa tshwenyege thata mo go kalo, ka gore madi a ba a bonang ka go tsoma diphologolo tsa gagwe, a felela mo diatleng tsa gagwe. Ya gore serapa sa gagwe ke mosi yo a fatlhang letsogo la molao wa naga ya Akebulane Borwa, baagi ba Maretologo-A-Nare ba ne sa itse selo. O ne tshwengwa fela ke dikgomo tse o tla fitlhelang di tlhatlhetswe mo serapeng sa gagwe. O ne a itse sentle gore bontsi ba tsone le fa e se tsotlhe, e ne e le tsa bogodu. O ne a tenwa ke gore bogodu bo, bo tla tloga bo lere sepodisi kwa serapeng sa gagwe. Seno se ka dira gore kgwebo ya gagwe ya mo sephiring e tswele mo pepeneneng. Seo se ne se ka dira gore a tsenelwe ke metsi ka mo ntlung.
Lungile "Lungsta" Radebe, motlelara wa dikgai tsa maemo a a kwa godimo o ne a simolola go ipakanyetsa go itepatepantsha le 'The Spanish Jackal'. Le fa phokojwe e ya mosepaneola e ne e tshabiwa ke bontsi mo Akebulane Borwa, e na o tlile go e amoga dijo mo ganong. O ne a setse a bone kwa a ka bonang diretebatsing teng, e bile o ne a setse a nale mokgwa wa go ka di kgabagantsha melelwane ya naga ya Akebulane Borwa. 'The Spanish Jackal' se ka se bone gore se thutswe ke eng...